New Era Newspaper

New Era Epaper
Icon Collap
...
Home / Maemo A Motlakase Gompijeno

Maemo A Motlakase Gompijeno

2008-07-18  Staff Report 2

Maemo A Motlakase Gompijeno
"MOTLAKASE o setse e le karolo e tona ya botshelo jwa rona, bogologolo mo go ba ba agileng bo ditoropong. Go thata go ka akanya botshelo kwantle ga motlakase, bogolo jaaka kumo ya dithoto le go tlhama ditiro go ka se kgonege kwantle ga go bona motlakase wa boikanyo. Ka jalo go botlhokwa go lemosa setshaba ka ga maemo a thuso ya motlakase mo Namibia gompijeno: -Eskom e botlhokwa thata mo thusong ya motlakase mo kgaolong ena. E na le boikarabelo jwa go fitlha 80% ya motlakase mo kgaolong ya borwa jwa Afrika, mme go a utlwagala gore fan a le mathata a go aba motlakase kwa Aferika Borwa a tla akaretsa le bagwebisani. -Ka ngwaga wa 2006 NamPower e dirile tumelanong ya go reka motlakase le Eskom. Tumelano e, jaaka ditumelano-kgwebo tse dingwe tse dintsi, e netefatsa kabo ya motlakase ge o le montsi. -Tumelano e akaretsa gape kabo ya motlakase mo ditlheng tse di siameng le tse di sa siamang. Ka ge go itsewe, tlhaelo ya motlakase e tlisa mathata a a aparelang dinaga tsotlhe mo kgaolong. -Ka ge kgaolo e tsene mo setlheng se se sa iketlang sa tlhaelo ya motlakase Tumelano e dira gore mathata a kgone go laolwa sentle. -Go ngotlwa ga motlakase ke Eskom go dinaga tsa boagisane go akaretsa le Namibia, ga se kgogelo-morago ya Tumelano. -NamPower e ikemiseditse boemo bo, ke ka mo e ileng ya saena ditumelano tsa go reka motlakase le barekisi ba bangwe ba ba sa dirisaneng le Eskom, e le boiteko ba go tlaleletsa kabo ya motlakase. Barekisi ba, ba na le bokgoni ba go ka aba 100MW. -NamPower setse e tsere dikgato mabapi le tlhaelo ya motlakase. Dikgato tse, di akaretsa tlhagiso ya Taolo ya Topo (Demand Side Management) le koketso-kgolo ya bokgoni ba go ka itirela motlakase. Kgato ya ntlha e akaretsa go tsaya karolo mo papatsong (Demand Market Participation), Kabelano ya Motlakase go ya ka boithaopo kgotsa kgapeletso (Load Shedding - Voluntary or forced), nako ya tiriso ya dikelotefo (tariff) le tshuteletso ya motlakase (Load shifting). Mo nakong e, go botlhokwa go itsese gore NamPower e buisana le badirisi le baphatlhalatsi ba bagolo ba motlakase. Badirisi ba motlakase batla itsisiwe ka dinako tse di beilweng tsa kabelano ya motlakase. Ge go diragala gore boiketlo ba thulagonyo bo bone kgatelelo ka baka la tlhaeko ya kabo, NamPower e tla gapeletsa kabelano ya motlakase. -Tshwetso ya botlhokwa ya NamPower, ka ge e le nngwe ya SAPP, ke go dirisana mmogo le ba bangwe mo mathateng a aparelang kgaolo. Go le jalo, NamPower e itshepile gore e tla tswelela ka go laola boemo bo. Dingwaga di le tharo tse di latelang di tla nna tse di tlhobaetsang ka ge tiriso ya motlakase e tla be e gaisa kabo e eleng teng. NamPower e dira boikuelo go badirisi ba motlakase le setshaba go ngotla tiriso ya bona ya motlakase ka (20%) gore kabelano e nne tlase. Ka thuso ya badirisi-bagolo ba motlakase le tiriso ya ""demand market participation"", NamPower e tla dira gore dikgaolo tsa motlakase di nne ko tlase thata. (Source: NamPower) "
2008-07-18  Staff Report 2

Tags: Khomas
Share on social media