[t4b-ticker]

Ngangisano mabapi le diruiwa ga e fele

Home Archived Ngangisano mabapi le diruiwa ga e fele

Kgang Ka: Kae Matundu-Tjiparuro

WINDHOEK

Loago lwa Balemirui ba Tlhakanelo kgotsa ba Selegae lwa Omaheke lo ikemiseditse go batla difantisi tse dingwe. Se, ke gore thekiso ya diruiwa ke yone fela e tlisang lotseno mo balemiruing. Se se latela go tlhoka kutlwano magareng ga Loago lwa Balemirui le mekgatlho ya Agra le Karoo.

Motlatsa Motshwara Setulo wa Kopano ya Balemirui ba Selegae ba Omaheke (Omaheke Regional Farmers Union – ORFU), Rre Pieter Kazongominja, o arabile Mookamedi Mogolo wa Agra Rre Peter Kazmeier. E rile maabane, Rre Kazmeier a ntsha maikutlo a gagwe mabapi le kgang e phatlhaladitsweng mo kuranteng ya New Era mabapi le go fediswa ga difantisi ke mekgatlho ya Agra le Karoo. Mo tsibogong le go fedisiwa ga difantisi mo mafelong a loago a Omaheke, setshaba sa loago se tsere tshwetso mo kopanong ya Baeteledi-pele ba Setso, Makhanselara a Kgaolo, le Mekgatlo ya Balemirui, ya go gana go rekisa diphologolo tsa bone ko difantising tsa Agra le Karoo ka tsela ya go dirisa diphemiti. Kopano e, e eneng e tshwerwe ka kgwedi ya Moranang e thlola malatsi a le 23 le 24 mo Gobabis, e ne e tsenetswe ke baemedi ba Lefapha la Temo, Metsi le Dikgwa le baemedi ba Mokgatlho wa Nama mo Namibia (Meatco) le ba bangwe.

Rre Kazmeier o arabile maabane gore Agra e tsheetsa difantisi mme e kgatlanong le go rekisiwa ga diruiwa ka tsela ya go dirisa diphemiti. Gape o ile a makatswa ke puo e e ileng ya buiwa ke setshaba sa Loago lwa Balemirui gore Agra e kgatlhanong le difantisi mo kopanong e e neng e tshwerwe mo Gobabis kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le mabedi (2 May). O ile a makatswa gape ke kgato e e tserweng ke setshaba sa balemirui ba Omaheke go batla mafelo a mangwe a difantisi go santswe go buiwa.

Le fa go le jalo, Rre Kazongominja a re go nnile le makgetlho a le mantsi a dipuisano, le Agra mo morerong o, di ileng tsa tshwarwa, e bile mokgatlho wa Agra o ile wa emelwa ke Molaodi wa Kgoalo wa Kgaolo-Bogare, Rre Chris Steemkamp mo kopanong e e ileng ya tshwarwa mo Gobabis kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le 23. (23 April). A re Rre Steenkamp o ile a sedimosetsa kemo ya Agra mo kopanong eo, kemo e Molaodi Mogolo wa diruiwa wa Agra, Rre Pieter Hugo a ileng a e ganetsa a konkomisa gore o ema difantisi nokeng. A re ka boammaruri, difantisi tse ne di tshwaetswe gore di tla nna teng ko Aminuis (22-23 April), Eiseb on (14-15 April) le Otjinene (2-3 May) ga di a nna teng gonne Agra le Karoo ba ile ba re ba ne ba se na bareki ba diruiwa. A re Rre Steenkamp o tlhaloseditse kopano e e neng e tshwerwe mo Gobabis ka mathata a magolo a go tsamaisa tshelete mo mafelong a loago a kopanelo (communal areas) mo Omaheke, le gore se, se e ditse gore gonne thata go tsamaisa tshelete go se tshwane le bogolo. Mo kopanong e, Rre Steenkamp, jaaka Livestock Autioneers, Brokers and Traders Association (LABTA), o ile a bua ka maikaelelo a go duela morago ga thekiso ya diruiwa.

O ile a bua gape ka kgang ya bakoloti gore go simolola ka 1 April 2008, Agra e tla ba naya malatsi a le supa go duela dikoloto tsa bone.

Setshaba sa barui se utlwile mo kopanong e gore Agra e tshwara difantisi mo Otjinene, Corridor 13, Onderombapa le Aminuis fele, e leng mafelong a loago a Omaheke.

Rre Kazongominja a re ka mathata a, ga a tlhaloganye gore goreng Barui ba tshwanetse ke go ema sebaka pele Agra le Karoo di ka ba thusa. Go ntse go le jalo, setshaba sa barui se ikemiseditse go kopano lekgetlho la boraro gompieno mo mosong mo Gobabis go tloga dipuisano ka difantisi di simolola beke tse tharo tse di fitileng.

Mo kopanong e, Badifantisi, Hammer and Tongue ba ba kopilweng go rulaganya difantisi mo maemong a Agra le Karoo, ba tla botsa setshaba sa barui go tlhagisa maikutlo a gore ba ka gaisa Agra le Karoo jang.